1
DIPESALEME 31:24
Setswana 1970
TSW70
Ratang MORENA, lona lotlhe baratiwa ba gagwe. MORENA o boloka ba ba ikanyegang; mme o duela ka botlalo ene yo o dirang ka boikgantsho.
Compare
Explore DIPESALEME 31:24
2
DIPESALEME 31:15
Mme nna ke ikantse wena, MORENA, ka re: “O Modimo wa me.”
Explore DIPESALEME 31:15
3
DIPESALEME 31:19
A melomo ya maaka e didimadiwe, e e buang ka makgakga ka ga mosiami ka boikgantsho le lenyatso.
Explore DIPESALEME 31:19
4
DIPESALEME 31:14
Gonne ke utlwa kgalo ya batho ba le bantsi. Poitshego e ntlheng tsotlhe, ka ba gakololana ka ga me; ba ikaeletse go mpolaya.
Explore DIPESALEME 31:14
5
DIPESALEME 31:3
Ntshekegele tsebe, o nkgolole ka bonako; o nne lefika la me la botshabelo le ntlo ya phemelo kwa thabeng ya go nthusa.
Explore DIPESALEME 31:3
6
DIPESALEME 31:5
O tla ntshwatola mo letloeng le ba nthaisitseng ka lone mo sephiring; gonne ke wena botshabelo jwa me.
Explore DIPESALEME 31:5
7
DIPESALEME 31:23
Le gale nna, e rile ke tshoga, ka re: “Ke kgaotswe, ke tlositswe fa pele ga matlho a gago.” Mme ruri, ya re ke goela thuso kwa go wena, wa utlwa selelo sa mekokotlelo ya me.
Explore DIPESALEME 31:23
8
DIPESALEME 31:1
Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
Explore DIPESALEME 31:1