1
DIPESALEME 27:14
Setswana 1970
TSW70
Lebelela MORENA o namatshege; a pelo ya gago e tie, mme o solofele MORENA.
Compare
Explore DIPESALEME 27:14
2
DIPESALEME 27:4
Selo se le sengwe se ke se kopileng mo go MORENA, se ke se eletsang ke go re, ke nne mo Ntlong ya MORENA ka metlha yotlhe ya bophelo jwa me, go leba bontle jwa MORENA le go akanya mo Tempeleng ya gagwe.
Explore DIPESALEME 27:4
3
DIPESALEME 27:1
Pesalome ya ga Dafita. MORENA ke lesedi la me le pholoso ya me; ke tla boifa mang? MORENA ke botshabelo jwa bophelo jwa me; ke tla tshoga mang?
Explore DIPESALEME 27:1
4
DIPESALEME 27:13
Fa nka bo ke sa dumela gore ke tla bona molemo wa MORENA mo lefatsheng la baphedi, nka bo ke latlhegile.
Explore DIPESALEME 27:13
5
DIPESALEME 27:5
Gonne o mpoloka mo boagong jwa gagwe mo letsatsing la tlalelo; o mphitlha mo botikelong jwa Tente ya gagwe, o ntsholeletsa mo lefikeng.
Explore DIPESALEME 27:5