1
DIPESALEME 11:7
Setswana 1970
TSW70
Gonne MORENA o siame, o rata ditiro tse di siameng. Ba nnete ba tla bona sefatlhego sa gagwe.
Compare
Explore DIPESALEME 11:7
2
DIPESALEME 11:4
MORENA o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo, MORENA, yo sedulo sa gagwe sa bogosi se leng mo legodimong. Matlho a gagwe a bona lefatshe, dintshi tsa matlho a gagwe di keleka bana ba batho.
Explore DIPESALEME 11:4
3
DIPESALEME 11:5
MORENA o sekaseka mosiami le moikepi; mowa wa gagwe o tlhoile yo o ratang kgatelelo.
Explore DIPESALEME 11:5
4
DIPESALEME 11:3
Fa metheo e thujwa, mosiami a ka dirang?”
Explore DIPESALEME 11:3
5
DIPESALEME 11:1
Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi. Ke itiketsa ka MORENA; lo ka nthaya jang lo a re: “Tshabela kwa thabeng jaaka nonyane?
Explore DIPESALEME 11:1