1
DIPESALEME 103:2
Setswana 1970
TSW70
Baka MORENA, mowa wa me; se lebale sepe sa ditiro tse di molemo tsa gagwe!
Compare
Explore DIPESALEME 103:2
2
DIPESALEME 103:3-5
O itshwarela maleo a gago otlhe, o fodisa makoa a gago otlhe. O golola bophelo jwa gago mo tshenyegong, o go rwesa bopelotlhomogi le mautlwelo-botlhoko mo tlhogong. O go kgorisa tse di molemo gore o busediwe bokaung jaaka ntsu.
Explore DIPESALEME 103:3-5
3
DIPESALEME 103:1
Pesalome ya ga Dafita. Baka MORENA, mowa wa me, le tsotlhe tse di mo teng ga me, bakang leina la gagwe le le boitshepo!
Explore DIPESALEME 103:1
4
DIPESALEME 103:13
MORENA o utlwela ba ba mmoifang botlhoko, jaaka rra-bana a utlwela bana ba gagwe botlhoko.
Explore DIPESALEME 103:13
5
DIPESALEME 103:12
O tlosetsa ditlolo tsa rona kgakala, jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi.
Explore DIPESALEME 103:12
6
DIPESALEME 103:8
MORENA o kutlwelo-botlhoko le boitshwarelo; o bopelotelele, o bopelontle jo bogolo.
Explore DIPESALEME 103:8
7
DIPESALEME 103:10-11
Ga a re direla ka fa maleong a rona, le e seng go re busolosa ka fa ditshiamololong tsa rona. Gonne bopelotlhomogi jwa gagwe bo bogolo mo go ba ba mmoifang jaaka legodimo le okame lefatshe.
Explore DIPESALEME 103:10-11
8
DIPESALEME 103:19
MORENA o tlhomamisitse sedulo sa bogosi sa gagwe kwa magodimong; bogosi jwa gagwe bo busa ntlheng tsotlhe.
Explore DIPESALEME 103:19