“Bona, nna ka nosi ke tsere Balefi, ka ba ntsha mo Baiseraeleng mo boemong jwa maitibolo otlhe a a tsalwang pele ke Baiseraele gore Balefi e nne ba me. Gonne maitibolo otlhe ke a me; ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe kwa lefatsheng la Egepeto ka lone ke iitshepiseditse maitibolo otlhe mo Iseraeleng a batho le a diruiwa gore e nne a me, nna MORENA.”