1
MAREKO 9:23
Setswana 1970
TSW70
Jesu a mo raya, a re: “A o a re: ‘Fa o nonofile’? Tsotlhe di ka dirafalela ene yo o dumelang.”
Compare
Explore MAREKO 9:23
2
MAREKO 9:24
Ke fa rra-ngwana a goa ka dikeledi a re: “Ke a dumela! Thusa go tlhoka-tumelo ga me!”
Explore MAREKO 9:24
3
MAREKO 9:28-29
Ya re a tsena mo ntlong, barutwa ba gagwe ba mmotsa kwa thoko ba re: “Ke go reng, fa rona re paletswe ke go o kgarameletsa ntle?” A ba raya a re: “Mofuta o ga o ka ke wa tswa ka sepe, fa e se ka thapelo le ka go itima dijo.”
Explore MAREKO 9:28-29
4
MAREKO 9:50
“Letswai le molemo; mme fa letswai le tswapogile, lo tla le tswaisa ka eng? “Nnang le letswai mo go lona, lo agisanye.”
Explore MAREKO 9:50
5
MAREKO 9:37
“Yo o tsholang mongwe wa bana ba ba ntseng jaana ka ntlha ya leina la me, o a ntshola; mme yo o ntsholang, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.”
Explore MAREKO 9:37
6
MAREKO 9:41
Le gona yo o tla lo nosang metsi ka sego ka leina la me, ka lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke lo raya ke re: Ga a nke a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe ka gope.
Explore MAREKO 9:41
7
MAREKO 9:42
“Yo o tla kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene, fa lolwala lo logolo lo ka bo lo gokeletswe mo molaleng wa gagwe, mme a latlhelwa mo lewatleng.
Explore MAREKO 9:42
8
MAREKO 9:47
Fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye; gonne go molemo go wena go tsena mo pusong ya Modimo, o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi
Explore MAREKO 9:47