1
MAREKO 5:34
Setswana 1970
TSW70
Jesu a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go thusitse; tsamaya ka kagiso, ò folele ruri botlhoko jwa gago.”
Compare
Explore MAREKO 5:34
2
MAREKO 5:25-26
Jaanong mosadi yo o sa leng a bolawa ke madi dinyaga di le 12, mme a bogile thata mo dingakeng tse dintsi, a bile a feletswe ke tsotlhe tse a neng a na natso, a sa bona thusego epe, mme bolwetse bo ntse bo atela pele
Explore MAREKO 5:25-26
3
MAREKO 5:29
Ke fa kelelo ya madi a gagwe e kgala ka bonako, a ikutlwa mo mmeleng, fa a fodisitswe botlhoko jwa gagwe.
Explore MAREKO 5:29
4
MAREKO 5:41
A tshwara seatla sa ngwana, a mo raya a re: “Talita khumi!” Fa go fetolwa ke go re: “Mosetsana, ke go raya ke re: Tsoga!”
Explore MAREKO 5:41
5
MAREKO 5:35-36
Ya re a sa ntse a bua, ga tla ba bangwe ba tswa kwa ntlong ya mogolo wa senagoge ba re: “Morwadio o sule; o sa tshwenyetsang Moruti?” Ya re Jesu a utlwa lefoko le le buiwang, a raya mogolo wa senagoge a re: “Se boife, dumela fela.”
Explore MAREKO 5:35-36
6
MAREKO 5:8-9
Wa bua jalo, ka gonne Jesu o ne a o reile a re: “Tswaa mo mothong yo, wena mowa o o itshekologileng!” Jesu a o botsa a re: “Leina la gago ke mang?” Wa mo araba wa re: “Leina la me ke ‘Mophato’; gonne re medemone e mentsi.”
Explore MAREKO 5:8-9