Gonne go tla ga Morwa-Motho go tla nna jaaka go ne go le ka malatsi a ga Noa. Go tla nna jaaka go ne go ntse mo malatsing ao a pele ga morwalela: Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa a tsenyeng mo mokorong o mogolo ka lone, mme ba sa lemoge, ga tsamaya morwalela wa tla, wa ba tsaya botlhe. Go tla ga Morwa-Motho le gona go tla nna jalo.