Mme ona o o nonofileng go lo boloka gore lo se kgotšwe, le go lo emisa fa pele ga kgalalelo ya ona, lo se na molato ope, lo duduetsa, e bong Modimo o osi, Mopholosi wa rona ka Jesu Keresete, Morena wa rona, a kgalalelo e nne ya one le borena le thata le puso ka metlha e e fetileng le jaanong le ka bosakhutleng! Amen.