1
JOŠUA 1:9
Setswana 1970
Kana ke go laetse ka re: Tia o nne pelokgale! Ka moo se rerege, o se kgobege marapo. Gonne MORENA, Modimo wa gago, o na nao gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.”
Compare
Explore JOŠUA 1:9
2
JOŠUA 1:8
A lokwalo lo lwa molao lo se tloge mo molomong wa gago, o lo akanye bosigo le motshegare gore o ele tlhoko go dira tsotlhe ka fa di kwadilweng ka teng mo go lone; gonne foo o tla tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; foo o tla tswelela pele sentle.
Explore JOŠUA 1:8
3
JOŠUA 1:7
Fela o tie, o nne pelokgale thata go ela tlhoko gore o dire ka fa molaong otlhe o Moše, motlhanka wa me, a o go laetseng. Se o fapoge mo ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema gore tiro ya gago e tswelele pele sentle gongwe le gongwe kwa o tla yang teng.
Explore JOŠUA 1:7
4
JOŠUA 1:5
Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela.
Explore JOŠUA 1:5
5
JOŠUA 1:6
Tia o nne pelokgale; gonne lefatshe le ke le ikanetseng borraabo go le ba naya, wena o tla le abela morafe o go nna boswa jwa ona.
Explore JOŠUA 1:6
6
JOŠUA 1:3
Felo gongwe le gongwe kwa dipato tsa dinao tsa lona di tla gatang teng ke go lo neile jaaka ke boleletse Moše.
Explore JOŠUA 1:3
7
JOŠUA 1:2
“Moše, motlhanka wa me o sule. Jaanong tloga o tshele noka e ya Joretane wena le morafe otlhe o, lo tsene mo lefatsheng le ke le nayang bone Baiseraele.
Explore JOŠUA 1:2
8
JOŠUA 1:1
Morago ga loso lwa ga Moše, motlhanka wa MORENA, MORENA a raya Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše, a re
Explore JOŠUA 1:1
9
JOŠUA 1:4
Go tloga kwa sekakeng le kwa Lebanone go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, e bong ya Ferathe – lefatshe lotlhe la Bahethe – le go fitlha kwa lewatleng le legolo le le kwa bophirimatsatsi, e tla nna naga ya lona.
Explore JOŠUA 1:4
10
JOŠUA 1:18
Mongwe le mongwe yo o ganetsang se o se bolelang, a sa utlwe mafoko a gago mo go tsotlhe tse o di re laelang, a a bolawe! Fela tia, o nne pelokgale.”
Explore JOŠUA 1:18
11
JOŠUA 1:11
“Ralalang bothibelelo, lo laele morafe lo re: ‘Ipaakanyetseng mefago, gonne lo tla tshela Joretane yo morago ga malatsi a le mararo gore lo tsene lo thope lefatshe le MORENA, Modimo wa lona, o le lo nayang gore e nne la lona.’ ”
Explore JOŠUA 1:11
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos