Mme Modimo o naya beng
ba thata bophelo jo boleele
ka thata ya ona;
le yo o neng a tlhobogile bophelo
jwa gagwe o tsoga gape.
Modimo o mo neela thagamo,
a ba a ikaege ka yona;
mme matlho a ona a tlhokomela
ditsela tsa beng ba thata.
Ba gola ba tumile,
ba tlhokafala ka sebakanyana;
ba namalala, ba swa jaaka botlhe,
jaaka diako di kgaolwa.