1
JAKOBO 3:17
Setswana 1970
TSW70
Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo.
Compare
Explore JAKOBO 3:17
2
JAKOBO 3:13
Ke mang yo o botlhale, yo o nang le tlhaloganyo mo go lona? A a supe ditiro tsa gagwe tsa tsamao e e siameng ka bonolo jwa botlhale!
Explore JAKOBO 3:13
3
JAKOBO 3:18
Mme leungo la tshiamo le jwalwa ka kagiso, le jwalelwa bone ba ba agisang.
Explore JAKOBO 3:18
4
JAKOBO 3:16
Gonne kwa go leng lefufa le kgang teng, gona go na le tlhakatlhakanyo le tiro nngwe le nngwe e mpe.
Explore JAKOBO 3:16
5
JAKOBO 3:9-10
Re baka Modimo Rara ka lone, re bile re hutsa batho ka lone ba ba bopilweng ka fa setshwanong sa Modimo. Tshegofatso le khutso di tswa mo molomong o le mongwe fela. Ba ga etsho, tseo ga di a tshwanela go nna jalo.
Explore JAKOBO 3:9-10
6
JAKOBO 3:6
Loleme le lone ke molelo; loleme lo itshupa mo gare ga ditokololo tsa rona e le lefatshe la tshiamololo, e le lo lo kgotlelang mmele otlhe, lo tshuba tsamao yotlhe ya botshelo, lo tshujwa ke molete wa molelo.
Explore JAKOBO 3:6
7
JAKOBO 3:8
Mme loleme lone, ga go motho ope yo o ka kgonang go lo kgwabofatsa; ke bosula jo bo huduegang, lo tletse botlhole jo bo bolayang.
Explore JAKOBO 3:8
8
JAKOBO 3:1
Ba ga etsho, lo se ka lwa nna baruti ka bontsi, ka lo itse gore rona baruti re tla sekisiwa go feta ba bangwe.
Explore JAKOBO 3:1
Home
Bible
Plans
Videos