1
JESAYA 9:6
Setswana 1970
TSW70
Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa “Mogakolodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya kagiso;”
Compare
Explore JESAYA 9:6
2
JESAYA 9:2
Batho ba ba sepelang mo fifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba agileng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ba phatsimetse.
Explore JESAYA 9:2
3
JESAYA 9:7
gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya MORENA wa masomosomo e tla dirafatsa jalo.
Explore JESAYA 9:7
4
JESAYA 9:5
Gonne ditlhako tsotlhe tsa batlhabani tse ba tsamayang ka tsona di tlhodia, le dikobo tse di bidikantsweng mo mading di tla fisiwa, di jewa ke molelo.
Explore JESAYA 9:5
5
JESAYA 9:1
Mme lefifi ga le nke le nnela ruri, fa tlalelo e leng teng jaanong. Mo metlheng ya pele o dirile lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale le le nyatsegang, mme mo metlheng e e tlang o tla tlotla tsela e e yang kwa lewatleng le boseja jwa Joretane le Galelea wa ditšhaba.
Explore JESAYA 9:1
6
JESAYA 9:3
Ò ntsifaditse meduduetso, ò godisitse boitumelo; ba thabile fa pele ga gago jaaka go itumelelwa thobo; ba duduetsa jaaka fa go abelanwa thopo.
Explore JESAYA 9:3
7
JESAYA 9:4
Gonne ò robile joko e e neng e ba imela, le thupa e e neng e otla magetla a bone le thobane ya mopatiki wa bone jaaka mo letsatsing la Midiane.
Explore JESAYA 9:4