1
JESAYA 60:1
Setswana 1970
TSW70
Tsoga, o sedimogelwe! Gonne lesedi la gago le tsile, mme kgalalelo ya MORENA e go tlhabetse.
Compare
Explore JESAYA 60:1
2
JESAYA 60:3
Mme baheitane ba tla phuthegela kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong e e go tlhabetseng.
Explore JESAYA 60:3
3
JESAYA 60:2
Gonne bonang, lefifi le khurumeditse lefatshe, le bontsho merafe, mme wena MORENA o tla go tlhabela jaaka letsatsi; kgalalelo ya gagwe e tla bonala mo go wena.
Explore JESAYA 60:2
4
JESAYA 60:22
Yo mmotlana o tla tswa ba le sekete; yo monnye o tla nna setšhaba se se thata. Nna MORENA ke tla akofa ke dirafatsa tseo mo motlheng wa tsona.”
Explore JESAYA 60:22
5
JESAYA 60:19
“Letsatsi ga e nke e tlhola e nna lesedi la gago motshegare; phatsimo ya ngwedi ga e tlhole e go bonegela bosigo, mme MORENA o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago; Modimo wa gago o tla nna kgalalelo ya gago.
Explore JESAYA 60:19
6
JESAYA 60:20
Letsatsi la gago ga le nke le tlhola le phirima; ngwedi wa gago ga o nke o tlhola o swa. Gonne MORENA o tla nna lesedi le le sa khutleng la gago. Malatsi a khutsafalo ya gago a fedile.
Explore JESAYA 60:20
7
JESAYA 60:5
Foo o tla ba bona, o tlala boitumelo; pelo ya gago e tla gakgamala, e tsharologa, fa bontsi jo bo fa lewatleng bo sokologela kwa go wena, fa khumo ya baheitane e tla kwa go wena.
Explore JESAYA 60:5
8
JESAYA 60:4
Tsholetsa matlho o lebe tikologong: Ba phuthegile botlhe, ba tla kwa go wena. Bomorwao ba tla tswa kwa kgakala, bomorwadio ba tlisiwa ba ntse mo nokeng.
Explore JESAYA 60:4
9
JESAYA 60:21
Morafe wa gago e tla nna basiami botlhe fela; ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng, e le matlhogela a ke a tlhomileng, e le tiro ya diatla tsa me gore ke ikgalaletse ka yona.
Explore JESAYA 60:21
10
JESAYA 60:18
Kgatelelo ga e nke e tlhola e utlwala mo lefatsheng la gago, le e seng tshenyo le thubako mo melelwaneng ya gago. O tla bitsa dipota tsa gago pholoso le dikgoro tsa gago pako.
Explore JESAYA 60:18
11
JESAYA 60:11
Dikgoro tsa gago di tla bo di bulegile ka gale, di sa tswalwe bosigo le motshegare, gore ba go tlisetse mahumo a ditšhaba, di eteletswe pele ke dikgosi tsa tsona.
Explore JESAYA 60:11
12
JESAYA 60:6
Dikammele di tla tlalatlala mo go wena, le dikammelana tsa Midiane le Efa. Bašeba ba tla tla botlhe, ba tlisa gouta le maswalo, ba utlwatsa ditiro tse dikgolo tsa MORENA ka boitumelo.
Explore JESAYA 60:6
13
JESAYA 60:10
“Baeng ba tla aga dipota tsa gago, dikgosi tsa bone di go direla; gonne ke go beditse ke le bogale, ka go utlwela botlhoko ke le pelonomi.
Explore JESAYA 60:10
14
JESAYA 60:15
“O ne o tlogetswe, o tlhoilwe, go se yo o go ralalang. Mo boemong jwa tseo ke tla go dira yo o galalelang ka bosakhutleng, yo o thabisang ditshika tsotlhe.
Explore JESAYA 60:15
15
JESAYA 60:16
O tla anya mašwi a ditšhaba, o anya mabele a dikgosi. O tla itse gore nna MORENA ke mopholosi wa gago; le gore mogolodi wa gago ke Senatla sa Iseraele.
Explore JESAYA 60:16