“Fa o thibela maoto a gago ka Sabata gore o se ka wa bapatsa ka letsatsi le le boitshepo la me; fa o bitsa Sabata boitumelo jwa gago le letsatsi le le boitshepo la MORENA le le tlotlegang; fa o le tlotla, o sa itsamaele mo ditseleng tsa gago, o sa tsweletse papadi ya gago pele, o sa bue tsa boithamako: Foo o tla itumela mo MORENENG, mme ke tla go naya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, ke go jesa boswa jwa ga Jakobe rraago.” Gonne molomo wa MORENA o buile jalo.