1
JESAYA 51:12
Setswana 1970
TSW70
“Ke nna, ke nna yo ke lo gomotsang. O tla bo o le mang, fa o boifa motho yo o tla swang, le morwa motho yo o tla dirwang jaaka bojang?
Compare
Explore JESAYA 51:12
2
JESAYA 51:16
Ke beile mafoko a me mo molomong wa gago, ka go khurumetsa ka moriti wa seatla sa me gore ke phutholole legodimo, ke thae lefatshe, ke ree Sione ke re: ‘O morafe wa me.’ ”
Explore JESAYA 51:16
3
JESAYA 51:7
“Nkutlweleleng ba lo itseng tshiamo, lona batho ba molao wa me o leng teng mo dipelong tsa lona. Se boifeng kgobo ya batho! Se tshogeng dikgalo tsa bone.
Explore JESAYA 51:7
4
JESAYA 51:3
“Gonne MORENA o gomotsa Sione, o gomotsa marope otlhe a gagwe. O tla fetola sekaka sa gagwe tshimo ya Etene le naga ya gagwe tshimo ya MORENA. Lethabo le boitumelo di tla fitlhelwa teng, le difela tsa pako le melodi ya dikopelo.
Explore JESAYA 51:3
5
JESAYA 51:11
Ba ba rekolotsweng ba MORENA ba tla boa, ba fitlha mo Sione ka tuduetso. Boitumelo jo bo sa khutleng bo tla okama ditlhogo tsa bone. Ba tla nna mo boitumelong le mo lethabong. Bohutsana le diphegelo di tla tshabela kgakala.
Explore JESAYA 51:11