1
JESAYA 49:15
Setswana 1970
TSW70
“A mosadi a ka lebala lesea la gagwe, a sa utlwele morwa mmele wa gagwe botlhoko? Le fa ene a ka mo lebala, nna ga nkitla ke go lebala.
Compare
Explore JESAYA 49:15
2
JESAYA 49:16
Bona, ke tshwaile leina la gago mo diatleng tsa me; dipota tsa gago di fa pele ga me ka gale.
Explore JESAYA 49:16
3
JESAYA 49:25
Ee, MORENA o bua jaana a re: “Senatla le sona se tla amogiwa batshwarwi; thopo ya morena yo o peloethata le yona e tla falola. Ke nna yo ke tla lwang le yo o lwang nao; ke nna yo ke pholosang bana ba gago.
Explore JESAYA 49:25
4
JESAYA 49:6
a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”
Explore JESAYA 49:6
5
JESAYA 49:13
Ipeleng, lona magodimo! Itumele, wena lefatshe! Tlhabang mokgosi wa tuduetso, lona dithaba, gonne MORENA o gomoditse morafe wa gagwe, a tlhomogela babogisegi ba gagwe pelo.
Explore JESAYA 49:13