1
JESAYA 43:19
Setswana 1970
TSW70
Bonang, ke tla dira tse dintšhwa. Di setse di simologile. A ga lo di lemoge? Ee, ke tla dira tsela mo sekakeng le dinoka mo nageng e e omeletseng.
Compare
Explore JESAYA 43:19
2
JESAYA 43:2
Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.
Explore JESAYA 43:2
3
JESAYA 43:18
“Se gakologelweng ditirafalo tsa bogologolo! Se tlhokomeleng tse di neng di dirafala kgale!
Explore JESAYA 43:18
4
JESAYA 43:1
Mme jaanong MORENA yo o go tlhodileng, Jakobe, yo o go bopileng, Iseraele, o bua jaana a re: “Se boife, gonne ke go golotse, ke go biditse ka leina la gago! O wa me.
Explore JESAYA 43:1
5
JESAYA 43:4
E re ka o kaega segolo mo matlhong a me, o le yo o tlotlegang, yo ke go ratang, ka moo ke tla ntsha batho boemong jwa gago le merafe boemong jwa bophelo jwa gago.
Explore JESAYA 43:4
6
JESAYA 43:3
Gonne nna MORENA ke Modimo wa gago; nna Moitshepi wa Iseraele ke mopholosi wa gago. Ke dirile Egepeto serekololo sa gago, ka ntsha Ethiopia le Seba boemong jwa gago.
Explore JESAYA 43:3
7
JESAYA 43:5
Se boife, gonne ke na nao. “Ke tla tlisa losika lwa gago go tswa kwa botlhabatsatsi; ke go phutha go tswa kwa bophirimatsatsi.
Explore JESAYA 43:5
8
JESAYA 43:25
Ke nna, ke nna yo ke phimolang dibe tsa gago; ke ka ntlha ya me, fa ke sa tsotelele maleo a gago.
Explore JESAYA 43:25
9
JESAYA 43:10
MORENA o bua a re: “Lona lo basupi ba me, le motlhanka wa me, yo ke mo itlhaoletseng, gore lo itse, lo ntumele, lo lemoge, fa e le nna. Ga go a bopiwa modimo ope pele ga me; le gona ga go nke go nna ope morago ga me.
Explore JESAYA 43:10
10
JESAYA 43:11
“Ke nna, ke nna MORENA! Ga go na mopholosi ope kwa ntle ga me.
Explore JESAYA 43:11
11
JESAYA 43:13
Le go tswa fano e tla bo e le nna, go se na ope yo o ka pholosang mo seatleng sa me. Ke tla dira tiro – e ka thibelwa ke mang?”
Explore JESAYA 43:13
12
JESAYA 43:20-21
Diphedi tsa naga di tla ntlotla le diphokojwe le bontšhwe; gonne ke tla ntsha metsi mo sekakeng le dinoka mo nageng e e omeletseng go nosa morafe wa me o ke o itlhaoletseng; e leng morafe o ke o ipopetseng gore ba bolele pako ya me.
Explore JESAYA 43:20-21
13
JESAYA 43:6-7
Ke tla raya bokone ke re: ‘Rebola!’ le borwa ke re: ‘Se thibele!’ Tlisa bomorwaake go tswa kgakala le bomorwadiake go tswa bokhutlong jwa lefatshe, e bong mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me, yo ke mo tlholetseng go nkgalaletsa; ka mmopa, ee, ka mo dira.
Explore JESAYA 43:6-7
14
JESAYA 43:16-17
Go bua jaana MORENA yo o neng a ntsha tsela mo lewatleng le mmila mo metsing a magolo; yo o neng a bolotsa dikoloi tsa ntwa le dipitse le lesomo la batlhabani le diganka – ba namaletse fa fatshe botlhe, ga ba nke ba tlhola ba tsoga; ba fedile, ba timile jaaka mogala wa lobone – a re
Explore JESAYA 43:16-17
15
JESAYA 43:15
Ke nna MORENA, Moitshepi wa lona, yo o tlhodileng Iseraele, ke Kgosi ya lona.”
Explore JESAYA 43:15