1
JESAYA 38:5
Setswana 1970
TSW70
“Yaa o ree Hesekia o re: ‘MORENA, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15.
Compare
Explore JESAYA 38:5
2
JESAYA 38:3
a re: “Ao MORENA, a ko o gakologelwe ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata.
Explore JESAYA 38:3
3
JESAYA 38:17
Bona, bogalaka, ee, bogalaka jo bogolo bo mphetogetse kagiso. Wena o ratile mowa wa me, wa nntsha mo moleteng wa nyelelo; gonne o latlhetse maleo otlhe a me kwa morago ga gago.
Explore JESAYA 38:17
4
JESAYA 38:1
Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala la go swa. Ke fa moporofeti Jesaya, morwa Amotse, a tla kwa go ene, a mo raya a re: “MORENA o bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa; ga o kitla o phela.’ ”
Explore JESAYA 38:1