1
JESAYA 35:10
Setswana 1970
TSW70
Ba ba rekolotsweng ba MORENA ba tla boa, ba fitlha mo Sione ka tuduetso. Boitumelo jo bo sa khutleng bo tla okama ditlhogo tsa bone. Ba tla nna mo boitumelelong le mo lethabong. Bohutsana le diphegelo di tla tshabela kgakala.
Compare
Explore JESAYA 35:10
2
JESAYA 35:3-4
Nonotshang diatla tse di repileng! Tiisang mangwele a a kgwetlhang! Rayang ba ba pelo-di-boi lo re: “Gomotsegang, se boifeng! Bonang, Modimo wa lona ke ole. O e tla go busolosa. Tefetso ya Modimo e e tla. O e tla ka osi, o tla re thusa.”
Explore JESAYA 35:3-4
3
JESAYA 35:8
Go tla nna mmila o mogolo teng le tsela e e bidiwang tsela e e boitshepo. Ga e na go gatwa ke ope yo o kgotlelegileng. Ke ya bone ba ba tsamayang mo go yona; mme le fa e le masilo, ga a nke a timela.
Explore JESAYA 35:8
4
JESAYA 35:5
Foo matlho a difofu a tla foufologa, ditsebe tsa disusu di tla kabologa.
Explore JESAYA 35:5
5
JESAYA 35:6
Foo ditlhotsi di tla tlola jaaka tshephe. Loleme lwa semumu lo tla duduetsa. Metsi a tla phunyega mo sekakeng, dinoka di ela mo nageng e e omeletseng.
Explore JESAYA 35:6