Ditiro tsa nama di a bonatsega, e bong tlhalo le boaka le se se maswe le boitaolo le tirelo-medimo e sele le tiriso ya mereo le tlhoano le komano le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le diphapaano le dikgaogano tsa maitirelo le tsa bopelotshetlha le dipolao le tsa botagwa le mediro ya tlhapelo le tse di ntseng jalo, tse ke di lo bolelelang jaaka nkile ka bua pele ka re: Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba nke ba rua boswa jwa puso ya Modimo.