Mme bangwe ba ditlhogo tsa dikgoro, e rile ba fitlha kwa Ntlong ya MORENA e e kwa Jerusalema, ba ntshetsa Ntlo ya Modimo dineo ka bogabone gore e tsosiwe gape mo motheong wa yona; ba ntshetsa polokelo ya tiro eo ka fa ba kgonang ka teng, e bong diranta di le 122 000 tsa madi a gouta le dimane di le 5 000 tsa selefera le dikobo tsa baperesiti di le 100.