1
EKESODU 6:6
Setswana 1970
TSW70
Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna MORENA, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.
Compare
Explore EKESODU 6:6
2
EKESODU 6:7
Ke tla lo tshola gore lo nne morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla itse gore ke nna MORENA Modimo wa lona yo o lo ntshang mono, a lo rola morwalo wa go direla Baegepeto.
Explore EKESODU 6:7
3
EKESODU 6:8-9
“ ‘Ke tla lo fitlhisa kwa lefatsheng lele le ke le tsholeleditseng letsogo ka ikano gore ke tla le naya Aborahame le Isaka le Jakobe. Ruri, nna MORENA, ke tla le lo naya go nna boswa.’ ” Moše a bolelela Baiseraele jalo, mme ba se ka ba mo reetsa ka ntlha ya go fela pelo ka botlhanka jo bo setlhogo.
Explore EKESODU 6:8-9
4
EKESODU 6:1
Mme MORENA a raya Moše a re: “Jaanong o tla bona se ke tla se direlang Farao. Gonne o tla ba naya tsela, a pateleditswe ke letsogo le le thata. Ee, o tla ba leleka mo lefatsheng la gagwe, a pateleditswe ke letsogo le le thata.”
Explore EKESODU 6:1