1
EKESODU 23:25-26
Setswana 1970
TSW70
“Direlang MORENA Modimo wa lona, foo o tla tshegofatsa dijo tsa lona le metsi a lona. Ke tla tlosa malwetse mo go lona. Ga go ne go nna le mosadi ope yo o senyegelwang le yo o ka nnang moopa mo lefatsheng la lona. Ke tla lo tlaletsa palo ya malatsi.
Compare
Explore EKESODU 23:25-26
2
EKESODU 23:20
“Bona, ke roma moengele gore a lo etelele pele, a tle a lo boloke mo tseleng, a lo fitlhise kwa felong fa ke go baakantseng.
Explore EKESODU 23:20
3
EKESODU 23:22
Mme e tla re fa lo utlwa lentswe la gagwe, lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang, foo ke nne mmaba wa baba ba lona, ke ganetse ba ba lo ganetsang.
Explore EKESODU 23:22
4
EKESODU 23:2-3
Se latele bontsi mo bosuleng. Le gona o se ka wa supa mo tshekong ka go faposiwa ke bontsi go sokamisa tshiamo. Se gobelele mohumanegi mo tshekong ya gagwe.
Explore EKESODU 23:2-3
5
EKESODU 23:1
“O se ka wa bolela magatwe a ditshele. O se ka wa emela moikepi ka go nna mosupi wa kgobelelo.
Explore EKESODU 23:1