Baiseraele ba ba raya ba re: “Ao! Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla sa MORENA metlheng ele fa re sa ntse re le fa dipitseng tsa dinama, re ja bogobe, re kgora. Jaanong lo re tsisitse kwano mo sekakeng se gore lo bolae morafe otlhe o ka tlala.”
Ke fa MORENA a raya Moše a re: “Bona, ke tla lo nesetsa bogobe jo bo tswang kwa legodimong, mme a batho ba tswe go sela jo bo lekanyeng letsatsi le le lengwe ka malatsi otlhe gore ke ba leke, ke bone gore a ba tla sepela ka fa molaong wa me gongwe nnyaya.