E rile Farao a sena go naya morafe tsela, Modimo wa se ka wa ba tlhamalaletsa kwa lefatsheng la Bafelesita, le fa tsela e e gaufi e le yona. Gonne Modimo o dirile jalo gore e se re gongwe fa batho ba bona tlhabano, ba ikwatlhaya, ba boela kwa Egepeto.