1
BAEFESO 6:12
Setswana 1970
gonne ga re lwantshe madi le nama, mme re lwa le mebuso le bathata le barena ba lefifi la lefatshe leno le mewa e e bosula e e mo mafelong a a kwa godimo.
Compare
Explore BAEFESO 6:12
2
BAEFESO 6:18
lo ntse lo rapela ka gale ka Mowa ka merapelo yotlhe le ka mekokotlelo, mme lo nne lo thantse ka ntlha ya moo ka tlhomamo yotlhe, lo rapelele baitshepi botlhe
Explore BAEFESO 6:18
3
BAEFESO 6:11
Aparang tsotlhe tsa tlhabano tsa Modimo gore lo tle lo kgone go emelana le mekgwa ya tsietso ya ga Diabolo
Explore BAEFESO 6:11
4
BAEFESO 6:13
Ka moo, tsayang dibolai tsotlhe tsa Modimo gore lo itse go inamola ka letsatsi le le bosula le go nna lo ntse lo eme, lo sena go fenya tsotlhe.
Explore BAEFESO 6:13
5
BAEFESO 6:16-17
lo tshotse thebe ya tumelo bogolobogolo e lo tla kgonang go tima metswi yotlhe e e tshubang ya yo-o-bosula ka yona. Lo be lo tsee futshe ya tshipi ya namolelo, le tšhaka ya Mowa, e bong Lefoko la Modimo
Explore BAEFESO 6:16-17
6
BAEFESO 6:14-15
Emang he, lo itlamile matheka ka boammaaruri, lo apere sefemela-sehuba sa tshiamo, le mo dinaong lo rwele iketleetso ya Efangele ya kagiso
Explore BAEFESO 6:14-15
7
BAEFESO 6:10
Bakaulengwe ba me, ke fetsa ka go re: Thatafalang mo Moreneng le mo thateng ya bonatla jwa gagwe.
Explore BAEFESO 6:10
8
BAEFESO 6:2-3
Taolo ya ntlha e e nang le tsholofetso ke e: “Tlotla rraago le mmaago gore o nne sentle, mme o phele ka boleele mo lefatsheng.”
Explore BAEFESO 6:2-3
9
BAEFESO 6:1
Lona bana, utlwang bagolo ba lona mo Moreneng; gonne moo go siame.
Explore BAEFESO 6:1
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos