ke rapela gore a lo nee nonofo ya go tia mo mothong yo o kwa teng ka Mowa wa gagwe ka fa khumong ya kgalalelo ya gagwe, gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo, lo nne ba ba medi mo loratong lwa gagwe, ba ba thaegileng mo go lone, gore lo kgone go tlhaloganya le baitshepi botlhe se e leng boatlhamo le boleele le bogodimo le boteng jwa lone, le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso gore lo nne lo tlale go ya go fitlha botlalong jotlhe jwa Modimo.