o be o lo nee matlho a a sedimogetsweng a dipelo tsa lona, lo tle lo itse gore tsholofelo ya pitso ya ona ke efe, le gore khumo ya kgalalelo ya boswa jwa ona mo baitsheping ke e e ntseng jang, le gore bogolo jo bogolo jwa thata ya ona ke e e ntseng jang ntlheng ya rona ba re dumelang ka fa tirong ya bonatla jwa nonofo ya ona e o dirileng ka yona mo go Keresete ka go mo tsosa mo baswing le ka go mo nnisa fa letsogong le le jang la ona mo legodimong, godimodimo ga puso yotlhe le taolo le thata le borena le leina lengwe le lengwe le le ka bidiwang, e seng fela mo lefatsheng leno, mme le gona mo go le le tlang.