1
MORERI 7:9
Setswana 1970
TSW70
Se potlake mo moweng wa gago go ngala; gonne ngalo e nna mo pelong tsa masilo.
Compare
Explore MORERI 7:9
2
MORERI 7:14
Itumele ka letsatsi la letlhogonolo, mme ka letsatsi la botlhoko o akanye gore le lone Modimo o le dirile fela jaaka lele; ke ka moo motho a sa itseng sepe se se tla tlang sehularong sa gagwe.
Explore MORERI 7:14
3
MORERI 7:8
Bokhutlo jwa selo bo gaisa tshimologo ya sona; yo o pelotelele o phala yo o ikgodisang.
Explore MORERI 7:8
4
MORERI 7:20
Gonne ga go na motho ope mo lefatsheng yo o siameng, yo o dirang molemo, a sa leofe.
Explore MORERI 7:20
5
MORERI 7:12
Gonne botlhale bo a femela le selefera e a femela, mme thuso ya kitso ke ya go re: Botlhale bo phedisa mong wa jona.
Explore MORERI 7:12
6
MORERI 7:1
Leina le lentle le phala lookwane lo lo molemo; letsatsi la go swa le gaisa la go tsalwa.
Explore MORERI 7:1
7
MORERI 7:5
Go utlwa kgalemelo ya motlhalefi go gaisa go utlwa sefela sa dieleele.
Explore MORERI 7:5
8
MORERI 7:2
Go ya kwa lapeng la moletlo go phalwa ke go ya kwa lapeng la khutsafalo; ka gonne sona seo ke bokhutlo jwa batho botlhe, mme yo o phelang a a se tshole ka pelo!
Explore MORERI 7:2
9
MORERI 7:4
Dipelo tsa batlhalefi di mo ntlong ya khutsafalo, mme dipelo tsa masilo di mo ntlong ya boitumelo.
Explore MORERI 7:4