Anania a tloga, a tsena mo ntlong, a mmaya diatla a re: “Saule, mokaulengwe, Morena, e bong Jesu yo o bonetseng go wena mo tseleng e ò tsileng ka yona, o nthomile gore o boe o bone, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.” Ka bonako ga wa dilo mo matlhong a gagwe, e kete matlape, mme a foufologa, a ba a nanoga a kolobediwa