1
DITIRO 17:27
Setswana 1970
TSW70
gore ba batle Modimo, e tle e re gongwe ba o apaape, ba o bone; kana ga o kgakala le ope wa rona
Compare
Explore DITIRO 17:27
2
DITIRO 17:26
O dirile gore setšhaba sengwe le sengwe sa batho se tswe mo mading a le mangwe fela, ba age mo lefatsheng lotlhe; o tlhomamisitse metlha ya bone e e beilweng pele le melelwane ya maago a bone
Explore DITIRO 17:26
3
DITIRO 17:24
Modimo o o dirileng lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, ona, ka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla
Explore DITIRO 17:24
4
DITIRO 17:31
gonne o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mmeetseng gona, mme o buletse botlhe tsela ya go ka dumela ka go mo tsosa mo baswing.”
Explore DITIRO 17:31
5
DITIRO 17:29
Jaanong he, e re ka re le losika lwa Modimo, ga re a tshwanela go itlhoma gore Modimo o ka tshwana le sebopiwa sa gouta gongwe sa selefera gongwe sa lentswe sa botswerere le kakanyo ya motho.
Explore DITIRO 17:29
Home
Bible
Plans
Videos