1
1 PETORO 3:15-16
Setswana 1970
TSW70
Mme lo itshepise Morena Keresete mo dipelong tsa lona, lo ntse lo iketleeditse go araba mongwe le mongwe yo o batlang boikarabelo mo go lona ka ga tsholofelo e lo nang nayo, mme e nne ka bonolo le ka poifo. Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona.
Compare
Explore 1 PETORO 3:15-16
2
1 PETORO 3:12
gonne matlho a Morena a lebile basiami, ditsebe tsa gagwe di reeditse merapelo ya bone. Mme sefatlhego sa Morena se emelanye le ba ba dirang bosula.”
Explore 1 PETORO 3:12
3
1 PETORO 3:3-4
Mokgabo wa lona e se ka ya nna wa ka fa ntle wa go loga meriri le go ikgabisa ka gouta le go apara diaparo tsa maphatsiphatsi, mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo.
Explore 1 PETORO 3:3-4
4
1 PETORO 3:10-11
Gonne “Yo o ratang go itumelela bophelo le go bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe gore o se ka wa bua tsietso. A a fapoge bosula, a dire molemo, a a batle kagiso, a e latelele
Explore 1 PETORO 3:10-11
5
1 PETORO 3:8-9
Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso. Lo se ka lwa lefa bosula ka bosula gongwe komano ka komano, mme bogolo tshegofatsang, ka lo bileditswe gona moo gore lo rue lesego.
Explore 1 PETORO 3:8-9
6
1 PETORO 3:13
Ke mang yo o ka lo utlwisang botlhoko, fa lo tlhoafaletse molemo?
Explore 1 PETORO 3:13
7
1 PETORO 3:11
A a fapoge bosula, a dire molemo, a a batle kagiso, a e latelele
Explore 1 PETORO 3:11
8
1 PETORO 3:17
Gonne fa Modimo o rata gore lo boge, gona go boga ka ntlha ya go dira sentle go gaisa go boga ka ntlha ya go dira bosula.
Explore 1 PETORO 3:17