1
Jakobe 3:17
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
LEF
Mme botlhale jo bo tswang kwa legodimong, bo simologa bo le phepa ebile bo le bonolo. Jalo bo rata kagiso le boikobo. Bo letlelela dipuisano ebile bo rata go ineela mo go ba bangwe; bo tletse kutlwelo-botlhoko le ditiro tse di molemo. Bo itekanetse, bo tlhamaletse ebile bo a ikanyega.
Compare
Explore Jakobe 3:17
2
Jakobe 3:13
Fa o le botlhale, tshela botshelo jo bo molemo jo bo tlhomameng gore ditiro tse di molemo di tle di tote, mme fa o sa ikgantshe ka tsone, o tlaa nna botlhale ka boammaaruri!
Explore Jakobe 3:13
3
Jakobe 3:18
Mme ba e leng badira kagiso ba tlaa jala dipeo tsa kagiso ba bo ba roba thobo ya bomolemo.
Explore Jakobe 3:18
4
Jakobe 3:16
Gonne kwa go nang le lefufa teng kgotsa keletso ya go ipona botoka, go tlaa nna tobekano le mofuta mongwe le mongwe wa bosula.
Explore Jakobe 3:16
5
Jakobe 3:9-10
Nako e nngwe lo galaletse Rara wa rona wa legodimo, mme ka nako e nngwe lo hutsa batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo. Fela jalo, tshegofatso le phutso di tuntologa mo go one molomo. Bakaulengwe ba ba rategang, tota se ga se a siama.
Explore Jakobe 3:9-10
6
Jakobe 3:6
Mme loleme ke kgabo ya molelo. Lo tletse tshiamololo ebile lo leswafatsa tokololo nngwe le nngwe ya mmele. Mme loleme lo tlhosediwa ke molete ka sebele, jalo lo ka fetolela matshelo a rona otlhe mo kgabong e e lakaselang ya tshenyo e kgolo.
Explore Jakobe 3:6
7
Jakobe 3:8
mme ga go na ope yo o ka katisang loleme. Ka malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go tsholola botlhole jwa lone jo bo bolayang.
Explore Jakobe 3:8
8
Jakobe 3:1
Bakaulengwe ba ba rategang, se gakaleleleng go bolelela ba bangwe diphoso tsa bone, gonne rotlhe re dira diphoso; mme fa rona baruti, ba re tshwanetseng go itse botoka, re dira diphoso, go otlhaiwa ga rona go tlaa nna gogolo go na le ga ba bangwe.
Explore Jakobe 3:1