gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo.
Mme ke rapela gore Keresete a nne ka kgololesego mo dipelong tsa lona, a nna mo go lona jaaka lo mo ikanya. A medi ya lona e tsenelele kwa teng mo loratong lwa Modimo lo lo hakgamatsang; gape lo bo lo kgone go ikutlwela le go tlhaloganya, bana ba Modimo botlhe ba tshwanetse, kana lorato lwa gagwe lo boleele bo kae, lo bophara bo kae, lo boteng bo le kae, le gone lo kwa godimo jang; mme gore lo itemogele lorato lo ka bo lona, le fa lo le bogolo go le kalo mo lo ka sekeng lwa bona bofelelo ja lone kgotsa go tlhaloganya ka botlalo. Mme kwa bokhutlong lo tlaa tladiwa ka Modimo ka sebele.