1
Ditiro 4:12
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
LEF
Ga go na poloko mo go ope! Ka fa tlase ga legodimo lotlhe ga gona leina lepe le batho ba ka le bitsang gore ba bolokwe.”
Compare
Explore Ditiro 4:12
2
Ditiro 4:31
Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale.
Explore Ditiro 4:31
3
Ditiro 4:29
Mme jaanong Morena, utlwa go bopa ga bone, mme o neye batlhanka ba gago bopelokgale jo bogolo mo therong ya bone
Explore Ditiro 4:29
4
Ditiro 4:11
Gonne Jesu Mesia (ene yo go buiwang ka ga gagwe mo dikwalong) ke ‘lentswe je le gannweng ke baagi le le neng la nna lentswe la kgokgotshwana.’
Explore Ditiro 4:11
5
Ditiro 4:13
Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng.
Explore Ditiro 4:13
6
Ditiro 4:32
Badumedi botlhe ba ne ba le pelo e le nngwe le mowa o le mongwe, mme ga bo go sena ope yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse.
Explore Ditiro 4:32
Home
Bible
Plans
Videos