1
Johane I 1:9
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
LEF
Mme fa re ipolela dibe tsa rona mo go One, o ka ikanngwa go re itshwarela le go re tlhapisa mo tshiamololong nngwe le nngwe. (Ebile go tshwanetse Modimo sentle thata go re direla jaana gonne Keresete o swetse go tlosa dibe tsa rona).
Compare
Explore Johane I 1:9
2
Johane I 1:7
Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe.
Explore Johane I 1:7
3
Johane I 1:8
Fa re re ga re na boleo, re a itsietsa, ebile re gana go amogela boammaaruri.
Explore Johane I 1:8
4
Johane I 1:5-6
O ke molaetsa o Modimo o o re neetseng go o lo bolelela: gore Modimo ke lesedi mme mo go One ga go na lefifi gotlhelele. Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka.
Explore Johane I 1:5-6
5
Johane I 1:10
Fa re re ga re a leofa, re bua maaka ebile re bitsa Modimo moaki, gonne wa re re leofile.
Explore Johane I 1:10