Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!预览

Go tsalana le Bakeresete
Go kgothatsa, go rata le go nonotsha badumedikarona ke sengwe sa dilo tse re di tsayang di le botlhokwa thata. Boammaaruri ke gore re a tlhokana. Ke kafa Modimo a neng a e bopa ka teng. Modimo ga a batle gore ope a tsamaye a le nosi.
"A re elaneng tlhoko gore re tlhotlheletsane mo loratong le ditirong tse di molemo, re se tlogele go phuthega ga rona, jaaka bangwe ba tlwaetse, mme re kaelane, bogolo thata ka lo bona letsatsi le ntse le atamela." Bahebere 10:24-25
Boammaaruri ke gore go nna le dikamano le Bakeresete ba bangwe go botlhokwa thata mo kgolong ya rona. Gantsi Modimo o re abela 'ditshwanelego tsa bomodimo' gore re direlane kana re kgothatsane ka tsela e gongwe e leng rona fela re ka kgonang go dira jalo ka yone.
"Ba le babedi ba phala a le mongwe, gonne ba bona tuelo e e molemo ka matsapa a bone; gonne fa ba wa, mongwe o tla tsosa molekane wa gagwe. Mme a tatlhego ya gagwe wee yo o wang, a se na yo mongwe yo o ka mo tsosang! Le gona fa ba le babedi ba robala mmogo ba a thuthafala. Mme a le mongwe a ka thuthafala jang? Le fa a le mongwe a ka fenngwa, ba le babedi ba tla thusanya. Lodi lwa ditlhale tse tharo ga lo kgaoge ka pele." Moreri 4:9-12
Molaotheo wa go nna le maatla fa re le bantsi o dira le mo Bakereseteng, mme go nna le dikamano tse di nonofileng le badumedi ka rona go re thusa go gola mo tseleng e re tsamayang ka yone le Modimo!
Maikaelelo a Modimo fa a ne a tlhoma kereke ya mo lefelong la lona e ne e le gore o kopane le badumedi ba bangwe. Nna le seabe mme o itumelele melemo ya go aba le go amogela masego go tswa mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba gago mo go Keresete!
读经计划介绍

Botshelo jo bo itumedisang, jo bo nang le boikaelelo bo thailwe mo dikamanong, lorato le tumelo. Fa e le gore o batla go tlhaloganya leano la Modimo mo botshelong jwa gago, dirisa leano leno go go thusa go tlhoma mogopolo mo go se o se batlang le se o se lemogang.
More