Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!预览

Molao o o Molemolemo
E ka tswa e le radipolotiki, moeteledipele wa kgwebo, sebui se se tlhotlheletsang, kana motho fela yo o tlwaelegileng, batho ba maemo otlhe a botshelo ka dinako tse dingwe ba umaka dinonofo tsa Molao o o Molemolemo. Tota e bile, mo e ka nnang mongwe le mongwe o kile a utlwa ka lone e bile o itse bokao jwa lone.
Batho ba le bantsi ba ka dumela gore "go direla ba bangwe se rona re ka bong re se diretswe" ke selo se se tlhokegang mo setšhabeng. Ka ditsela di le dintsi, ke sone selo se se kopanyang setso sa rona, malapa a rona le botsala jwa rona. Molao o o Moleolemo o bontsha melemo ya go direla ba bangwe, go aba ka bopelotshweu le go thusa ba ba tlhokang.
Jesu e ne e le ene mokwadi wa Molao o o Molemolemo o e leng sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata gore Mokeresete a tshele botshelo jo bo atlegileng. Jesu o ne a re:
"Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, lo ba direle tsona; gonne molao o a re jalo le baporofeti." Matheo 7:12
Jaaka Bakeresete, Modimo o bitsa mongwe le mongwe wa rona gore a dire gore tumelo ya rona e se ka ya ikaega fela ka go dumela mo Modimong. O batla gore mongwe le mongwe wa rona a bontshe tumelo ya gagwe ka go ama matshelo a batho ba bangwe, ka go dira jalo a galaletsa Modimo ka go ba bontsha lorato lwa Gagwe le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. Seno ruri ke go tshela ka Molao o o Molemolemo.
读经计划介绍

Botshelo jo bo itumedisang, jo bo nang le boikaelelo bo thailwe mo dikamanong, lorato le tumelo. Fa e le gore o batla go tlhaloganya leano la Modimo mo botshelong jwa gago, dirisa leano leno go go thusa go tlhoma mogopolo mo go se o se batlang le se o se lemogang.
More