Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!预览

Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

7天中的第3天

Go Godisa Lorato Lwa Rona mo Modimong

Go nna le lorato lwa go rata Modimo go ka nna ga se ka ga nna motlhofo jaaka go nna le lorato lwa go rata tsala kgotsa wa lelapa. Lebaka-motheo ke gore ga re kgone go bona Modimo ka matlho. Ka jalo, go boloka le go godisa lorato lo re ratang Modimo ka lone go tlhoka tumelo.

"Jaanong tumelo ke go tlhomamisega ka dilo tse re di solofetseng le go tlhomamisega ka dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe." Bahebere 11:1

Tumelo e dira gore re kgone go bontsha Modimo lorato lwa mmatota lo lo tswang mo dipelong tsa rona, le fa re sa kgone go mmona ka matlho a rona a nama. Gore re kgone go godisa lorato lwa rona mo Modimong, tumelo e tshwanetse go nna e ntse e dira mo matshelong a rona a Bokeresete.

Fa re ntse re buisa Lefoko la Modimo, re lemoga lorato lwa Gagwe le go amega ga Gagwe mo matshelong a rona le a ba bangwe, le go nna le botsalano le Ene ka thapelo, re simolola go itse Modimo ka mo go oketsegileng. Fa re ntse re mo itse go ya pele, lorato lwa rona mo go ene lo a gola mo matshelong a rona.

Go godisa lorato loo mo Modimong ka ntlha ya go dumela ga rona mo go Ene gape go ikaegile ka go supa lorato loo ka ditiro:

"Ka tsela e e tshwanang, tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule." Jakobe 2:17

Go rata Modimo ga rona ka tumelo, go go tsamaisanang le go ineela ga rona mo Modimong ka ditiro ke selo se se tlhokegang gore re nne le botsalano jo bo atlegileng, jo bo ntseng bo gola le Ene.

Le fa lorato lo re ratang Modimo ka lone lo tla gola fa re dira ditiro tse di bontshang tumelo ya rona, gape go botlhokwa go tlhaloganya gore ditiro tseno ga di dire gore Modimo a re rate le go re amogela.

Boammaaruri ke gore Modimo o ne a setse a re rata ka lorato lo logolo le lo lo sa lekanyediwang lobaka lo loleele pele ga re mo itse. Lorato lwa Modimo ke motswedi wa rona wa mmatota: lorato lo re mo ratang ka lone le lo re ratang ba bangwe ka lone.

读经计划介绍

Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

Botshelo jo bo itumedisang, jo bo nang le boikaelelo bo thailwe mo dikamanong, lorato le tumelo. Fa e le gore o batla go tlhaloganya leano la Modimo mo botshelong jwa gago, dirisa leano leno go go thusa go tlhoma mogopolo mo go se o se batlang le se o se lemogang.

More