Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!预览

Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

7天中的第4天

Go Atolosa Lorato Go Ba Bangwe

Fa lorato lo re ratang Modimo ka lone lo nonofile e bile lo gola mo matshelong a rona, le bokgoni jwa rona jwa go rata batho ba bangwe le jone bo tla gola. Fa lorato lwa rona mo go ba bangwe lo ntse lo gola, re tla nna le keletso e kgolo ya go bontsha lorato loo, ka go dira jalo re diragatsa nngwe ya maikaelelo a a botlhokwa thata a Modimo a re bopetseng one:

"Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona." Baefeso 2:10

E sa le e le boikaelelo jwa Modimo go tswa kwa tshimologong gore re bontshe lorato ka ditiro. Mongwe le mongwe wa rona o na le seabe mo thulaganyong e kgolo ya Modimo ya go ama matshelo a batho ba bangwe ka ditiro tse di molemo.

Nako nngwe le nngwe fa re ama botshelo jwa motho yo mongwe ka lefoko le le molemo, re mo thusa ka sengwe se a se tlhokang, kana re reetsa fela ka kelotlhoko fa a utlwile botlhoko, ga re bontshe fela gore re a mo rata, mme gape re bontsha gore Modimo o a mo rata ka rona. Ka tsela eno, re nna batho ba ba botlhokwa ba ba phatsimisang kgalalelo ya Modimo mo lefatsheng le le tletseng lefifi le le se nang tsholofelo. Akanya ka mafoko ano a ga Jesu:

"Ke lona lesedi la lefatshe. Motse o o mo godimo ga thaba ga o ka ke wa fitlhega. Le gone batho ga ba tshube lobone ba bo ba lo baya kafa tlase ga seroto. mme ba o bee mo setlhomong sa one, mme o bonese botlhe ba ba mo ntlong. A lesedi la lona le phatsime jalo fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, ba tle ba galaletse Rraalona yo o kwa magodimong." Matheo 5:14-16

Fa re phatsimisa lesedi la rona re letla lesedi la Modimo gore le re phatsimele. Go na le ditsela tse tharo tse di botlhokwa tsa go phatsimisetsa ba bangwe kgalalelo ya Modimo: ka go neela bosupi ka tsela e e nang le matswela; ka go direla ba bangwe; le ka go kopanela le Bakeresete. Fa re dirisa tumelo ya rona ka ditsela tseno tse tharo re dira gore ba bangwe ba bone lorato lwa Modimo, bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ya gagwe, mme seno sotlhe se dira gore a galalediwe.

读经计划介绍

Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao!

Botshelo jo bo itumedisang, jo bo nang le boikaelelo bo thailwe mo dikamanong, lorato le tumelo. Fa e le gore o batla go tlhaloganya leano la Modimo mo botshelong jwa gago, dirisa leano leno go go thusa go tlhoma mogopolo mo go se o se batlang le se o se lemogang.

More