1
Mathaio 18:20
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
LEF
“Gonne kwa bobedi kgotsa kwa boraro bo phuthegelang teng ka ntlha ya gore ke ba me, ke tlaa bo ke le gone tota fa gare ga bone.”
Paghambingin
I-explore Mathaio 18:20
2
Mathaio 18:19
“Gape ke lo bolelela se, fa ba le babedi ba lona fano mo lefatsheng ba dumalana kaga sengwe se lo se kopang, Rara yo o kwa legodimong o tlaa se lo direla.
I-explore Mathaio 18:19
3
Mathaio 18:2-3
Jesu a bitsa ngwana yo monnyennyane a mmaya fa fatshe fa gare ga bone, mme a re, “Fa e se fela lo boela Modimong lo latlha dibe tsa lona lo bo lo nna jaaka bana ba bannyennyane, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa Legodimo.
I-explore Mathaio 18:2-3
4
Mathaio 18:4
Jalo he, le fa e le mang yo o ingotlang jaaka ngwananyana yo monnyennyane yo, o mogolo bogolo mo Bogosing jwa Legodimo.
I-explore Mathaio 18:4
5
Mathaio 18:5
Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela.
I-explore Mathaio 18:5
6
Mathaio 18:18
Mme ke lo bolelela se, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng se bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se lo se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bofololwa kwa legodimong.
I-explore Mathaio 18:18
7
Mathaio 18:35
Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri.”
I-explore Mathaio 18:35
8
Mathaio 18:6
Mme le fa e le mang yo o dirang gore mongwe wa ba ba botlana ba, ba ba dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe, go ka nna botoka mo go ene go golegelelwa lefika mo thamung a ba a latlhelwa mo lewatleng.
I-explore Mathaio 18:6
9
Mathaio 18:12
“Fa motho a na le dinku di le lekgolo, mme e nngwe e tsamaya e bo e timela, o tlaa dira eng? A ga a na go tlogela tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe a ba a ya kwa dithabeng go ya go batla e e latlhegileng?
I-explore Mathaio 18:12