YouVersion Logo
Search Icon

SEKARIA 3

3
Ponatshegelo ya moperofeti ka ga Jošua Moperesiti yo mogolo
1 A ntshupetsa Jošua moperesiti yo mogolo a eme fa pele ga moengele wa ga Jehofa, le Satane a eme ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la gagwe, gore a nne moganetsi wa gagwe. 2 Jehofa a raya Satane a re: “A Jehofa a go kgalemele wena Satane; ee, Jehofa yo o itshenketseng Jerusalema, a a go kgalemele; yo a ga se motswaiso o o swatotsweng mo molelong?”
3Jaana Jošua o ne a apere diaparo tse di maswe, a eme fa pele ga moengele. 4Mme a raya ba ba emeng fa pele ga gagwe, a re: “Tlosang diaparo tse di matladika mo go ene.” Mme a mo raya a re: “Bona, ke fetisitse ka tlosa tshiamololo ya gago mo go wena, mme ke tlaa go apesa diaparo tse dintle.”
5Ka re: “A ba mo rwese tlhoro e ntle mo tlhogong.” Mme ba mo rwesa tlhoro e ntle mo tlhogong, ba mo apesa diaparo; mme moengele wa ga Jehofa a bo a eme teng.
6Moengele wa ga Jehofa a tlhomamiseletsa Jošua, a re: 7“Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Fa o sepela mo tseleng tsa me, fa o tshegetsa tebelo ya me, foo le gone o tlaa atlhola ntlo ya me, le gone o tlaa lebela malwapa a me, mme ke tlaa go naya boemo jwa katamelo mo go ba ba emeng teng.
8 “ ‘Utlwa jaana, wena Jošua moperesiti yo mogolo, wena le bankana ba gago ba ba dutseng fa pele ga gago; gonne ke banna ba ba leng segakgamatso; gonne, bona, ke tlaa ntshetsa kwa ntle motlhanka wa me yo go tweng Letlhogela. 9Gonne bona, lentswe le ke le beileng fa pele ga Jošua; mo lentsweng le le lengwe fela go matlho a supa; bona, ke tlaa seta ditseto tsa lone,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘mme ke tlaa tlosa boikepo jwa lefatshe leo ka tsatsi le le lengwe fela. 10 E tlaa re mo tsatsing leo,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘lo tlaa bitsakanya mongwe le mongwe le wa ga gabo, ba le fa tlase ga mofine le fa tlase ga mofeige.’ ”

Currently Selected:

SEKARIA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy