YouVersion Logo
Search Icon

SEKARIA 2

2
Ponatshegelo ya moperofeti le mogala o o lekanyang
1Ka tsholetsa matlho a me, ka leba, mme bonang monna yo o tshotseng mogala o o lekanyang. 2Foo ka re: “O ya kae?” A nthaya a re: “Ke ya go lekanya Jerusalema, gore ke bone boatlhamo jwa one le boleele jwa one.”
3Bonang, moengele yo o buang le nna a tswela kwa ntle, mme moengele yo mongwe a tswa a ya go kgatlhana nae. 4A mo raya a re: “Taboga o bue le lekau leo o re: ‘Jerusalema o tlaa nnwa jaaka metsana e e se nang dithako, ka ntlha ya bontsi jwa batho le jwa dikgomo jo bo tlaa nnang mo go one. 5Gonne nna, go bua Jehofa, ke tlaa nna lorako lwa molelo lwa one mo tikologong, mme ke tlaa nna kgalalelo mo gare ga one.’ ”
Bafaladi ba bilediwa gae
6“Hee! hee! tshabang, lo tswe lefatsheng la botsheka,” go bua Jehofa; gonne ke lo anamisitse le lefatshe jaaka diphefo tsoo nne tsa legodimo, go bua Jehofa. 7“Hee Sione, wena yo o agileng le morwadia Babilone iphalodise.” 8Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: O nthomile kwa merafeng e e lo thopileng go senka kgalalelo; gonne yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la gagwe. 9“Gonne bonang ke tlaa ota seatla sa me godimo ga bone, mme ba tlaa nna thopo ya bone ba ba kileng ba ba direla.” Mme lo tlaa itse fa Jehofa wa masomosomo a nthomile.
10“Opela o itumele, wena morwadia Sione; gonne bona ke etla, ke tlaa aga mo gare ga gago,” go bua Jehofa.
11“Merafe e le mentsi e tlaa ikopanya le Jehofa mo motlheng oo, mme e tlaa nna batho ba me; ke tlaa nna mo gare ga gago, mme o tlaa itse fa Jehofa wa masomosomo a nthomile kwa go wena. 12Jehofa o tlaa rua Juta, e le mo e leng ga gagwe mo lefatsheng le le boitshepo, o tlaa nama a itshenkela Jerusalema.
13“Didimalang batho botlhe fa pele ga Jehofa, gonne o tsogile a le mo bonnong jwa gagwe jo bo boitshepo.”

Currently Selected:

SEKARIA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy