YouVersion Logo
Search Icon

SEKARIA 4

4
Setlhomo sa lobone le ditlhare tsa motlhware
1Moengele yo o buang le nna a tla gape, a ntsosa jaaka monna yo o tsosiwang a robetse. 2Mme a nthaya a re: “O bonang?” Mme ka re: “Ke lebile, mme bonang, setlhomo sa lobone e le sa gouta sotlhe fela, se na le nkgwana ya sone mo godimo ga sone; le dilampa tsa sone di supa di le mo go sone; lampa nngwe le nngwe e na le ditlhaka tse di logapa di supa, tse di kwa godimo ga sone; 3 le ditlhare di le pedi tsa matlhware fa go sone, sengwe ka fa tsogong le legolo ga nkgwana, se sengwe ka fa ntlheng ya la molema ga yone.” 4Mme ka fetola moengele yo o buang le nna, ka re: “Dilo tse ke eng, morena wa me?”
5Foo moengele yo o buang le nna a mphetola, a re: “A ga o itse go re dilo tse ke eng?” Mme ka re: “Nnyaa morena wa me.” 6 Foo a mphetola a re: “Le ke lone lefoko la ga Jehofa kwa go Serubabele, a re: ‘Ga se ka thata, le fa e le ka nonofo, fa e se ka mowa wa me,’ go bua Jehofa wa masomosomo. 7O mang, wena thaba e kgolo? O tlaa fetoga o nna lobala fa pele ga Serubabele; mme o tlaa ntsha lentswe la tlhogo ka go thela lošalaba lwa go re: ‘Matlhogonolo, matlhogonolo a nne mo go wena.’ ”
8Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: 9“Diatla tsa ga Serubabele di theile motheo wa ntlo e; diatla tsa gagwe di tlaa ba di e wetsa; mme o tlaa itse fa Jehofa wa masomosomo a nthomile kwa go bone. 10 Gonne e mang yo o nyaditseng motlha wa dilo tse dipotlana? Gonne ba tlaa itumela, ba tlaa bona selekanyo se se thokgamisang mo seatleng sa ga Serubabele, e bong tse di supa tse, tse e leng matlho a ga Jehofa; a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe.”
11 Foo ka mo fetola ka re: “Ditlhare tse pedi tse tsa matlhware ke eng, tse di ka fa ntlheng ya letsogo le legolo ga setlhomo sa lobone, le ka fa ntlheng ya la molema ga sone?” 12Ka mo fetola lwa bobedi, ka re: “Ke eng dikala tse, tse pedi tsa motlhware tse di bapileng le ditlhaka tse di logapa tsa gouta, tse di ntshang lookwane lo lo gouta mo teng ga tsone ka tsosi?”
13Mme a mphetola a re: “A ga o itse gore dilo tse ke eng?” Mme ka re: “Nnyaa morena wa me.”
14Foo a re: “Tse ke bomorwa lookwane ba babedi, ba ba emeng fa go Morena wa lefatshe lotlhe.”

Currently Selected:

SEKARIA 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy