YouVersion Logo
Search Icon

MIKA 2

2
Pheletso ya ba ba gateletseng bahumanegi
1A bo go latlhega ba ba akanyetsang boikepo, le ba ba dirang bosula ba le mo malaong a bone! E tle e re bosa bo sele ba bo dire, ka go le mo thateng ya seatla sa bone. 2Ba eletsa matlhagare, ba a tseye fela; le matlo, mme ba a tlose; ba patike monna le ba ntlo ya gagwe, e bong monna le boswa jwa gagwe.
3Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo bosula bongwe, jo lo se ketlang lo itshomola dithamo tsa lona mo go jone, le gone ga lo ketla lo sepela lo gwanta; ka e tlaa bo e le motlha o o bosula.” 4E tlaa re ka tsatsi leo ba tlaa lo tlhabeleletsa setshwantsho, ba hutsafala ka selelo se se khutsang, ba re:
“Re gapeletswe ruri;
o fetola kabelo ya batho ba me;
o e tlosa jang mo go nna!
O abela batsuolodi
matlhagare a rona.”
5Ke gone ka mo o se ketlang o dira le ope yo o namalatsang lodi go lekanya matlhagare mo phuthegong ya ga Jehofa.
6“Lo se ka lwa perofesa,” go tlhola go bua bone. “Ga ba ketla ba perofesetsa tsone tse; dikgobo ga di ketla di tloga.” 7Wena ntlo ya ga Jakobe, a go tlaa buiwa, go twe: “A mowa wa Morena o pitlaganye? Ditiro tse a ke tsa gagwe? Mafoko a me a ga a dire molemo mo go yo o sepelang ka thokgamo?”
8“Mo metlheng eno ya morago batho ba me ba tsogile jaaka mmaba, lo rutla kobo mo seaparong mo go bone ba ba fetang ba iketlile jaaka batho ba ba ganang ntwa. 9Basadi ba batho ba me lo ba leleka mo matlong a mantle a bone; lo tlosetsa ruri kgalalelo ya me mo banyaneng ba bone. 10Nanogang, lo tsamaye; gonne fa ga se felo ga boikhutso jwa lona; ka ntlha ya bomaswe jo bo senyang, e bong ka tshenyo e e botlhoko.
11“Fa monna yo o sepelang ka mowa wa tsietso a aka, a re: ‘Ke tlaa go perofesetsa ka ga bojalwa jwa mofine le ka ga bojalwa jo bo loileng;’ e bo e le ene yo o tlaa nnang moperofeti wa batho ba.
12“Wena Jakobe, ruri ke tlaa go phutha gotlhe fela; ruri ke tlaa phutha masalela a Iseraele, ke tlaa ba baya mmogo jaaka dinku tsa Bosera, jaaka letsomane mo gare ga bohulo jwa lone, ba tlaa tsosa modumo o mogolo ka ntlha ya bontsi jwa batho.”
13Mothobi o ba eteletse pele; ba thobile, ba fetetse kwa kgorong, ba dule ka yone; mme kgosi e ba eteletse pele, le Jehofa o kwa tlhogong ya bone.

Currently Selected:

MIKA 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy