YouVersion Logo
Search Icon

MIKA 1

1
1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Mika wa Morašete, mo metlheng ya ga Jothame, Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Juta, e le lefoko le o le bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.
Selelo ka ga Samaria le Jerusalema
2Utlwang lona ditšhaba lotlhe fela;
a o ke o reetse, wena lefatshe,
tsotlhe tse di mo go lone;
mme lo mme Morena Modimo
a nne mosupi ka ga lona,
Morena a le mo tempeleng ya gagwe
e e boitshepo.
3Gonne bonang, Jehofa o tswa
mo felong ga gagwe,
mme o tlaa fologa,
o tlaa gata mafelo
a a godimo a lefatshe.
4Dithaba di tlaa tlhapolosiwa
fa tlase ga gagwe,
le melapo e tlaa tsetseregana,
jaaka makgafa fa pele ga molelo,
jaaka metsi a a thelegang
ka fa maphothophothong.
5Tsotlhe tse ke ka ntlha ya tlolo ya ga Jakobe, le ka ntlha ya maleo a ba ntlo ya Iseraele. Tlolo ya ga Jakobe ke eng? A ga se Samaria? Mafelo a a tlotlometseng a ga Juta ke afe? A ga se Jerusalema? 6Ke gone ka moo ke tlaa dirang Samaria go nna jaaka mokoa mo nageng, le jaaka matlhomelo a tshimo ya mafine, maje a one ke tlaa a goromeletsa mo molapong, ke senola metheo ya one. 7Le ditshwantsho tsotlhe tsa gagwe tse di setilweng di tlaa thubaganngwa, le dituelo tsotlhe tsa gagwe di tlaa fisiwa ka molelo, le medimo ya gagwe ya disetwa, ke tlaa di swafatsa tsotlhe fela; gonne o di phuthile ka tuelo ya seaka, mme di tlaa boela mo tuelong ya seaka.
8Ke tlaa thomeletsa ke bokolela ka ntlha ya moo, ke tlaa tsamaya fela ke itšhaile ke le loforotlho fela; ke tlaa thomeletsa ka selelo jaaka bophokoje, ke khutsa jaaka bontšhe. 9Gonne dintho tsa gagwe ke tse di sa kakeng tsa fodisiwa, gonne go fitlhile le mo Juta; go fitlhile kwa kgorong ya batho ba me, e bong kwa Jerusalema.
Baba ba atamela Jerusalema
10Lo se ka lwa go bolela mo Gathe, lo se ka lwa lela gope; kwa Bethe-leafera ke ipidikamisitse mo loroleng. 11Fetang lo yeng koo, wena monni wa Shafire, ka loforotlho le ka ditlhong; monni wa Saanane ga a a tswa; thomeletso ya Betheesele e tlaa lo tlosetsa boemo jwa gone. 12Gonne monni wa Marothe o lebeletse molemo ka khidiego; gonne bosula bo fologile kwa go Jehofa bo tsile kgorong ya Jerusalema. 13Wena monni wa Lakiše, a ko o golegele kara mo pitseng e e fadimang; e ne e le ene tshimologo ya boleo mo go morwadia Sione; gonne ditlolo tsa Baiseraele di fitlhetswe mo go wena. 14Ke gone ka moo o tlaa naya Morešethe-gathe neo ya kgaogano ya lotlhokwa; matlo a ga Akesibe a tlaa nna selo se se tsietsang mo dikgosing tsa Iseraele.
15Wena monni wa Marešo, ke tlaa nama ke lere mo go wena ene yo o tlaa go ruang; kgalalelo ya Iseraele e tlaa fitlha fela le kwa Adulame. 16Itsue tlhogo, mme o itšhemole ka ga bana ba natefelo ya gago; atlhamolosa tsuego ya gago jaaka ya lenong; gonne ba dule mo go wena ba ile botshwarong.

Currently Selected:

MIKA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy