YouVersion Logo
Search Icon

MIKA 3

3
Mika o kgalemela baeteledipele ba Iseraele
1Ke rile: Ke a lo rapela, utlwang lona ditlhogo tsa ba Jakobe, le balaodi ba ntlo ya Iseraele. A ga se tiro ya lona go itse katlholo? 2Ba lo ilang molemo, lo rata bosula; ba lo ba khumolotseng letlalo le nama mo marapong a bone; 3ba ba bileng ba ja nama ya batho ba me, mme ba ba tswatolotsa letlalo, ba ba roba marapo; ee, ba ba remaganya, jaaka e kete go tsenngwa mo pitseng, le jaaka nama e e mo teng ga pitsa e tona. 4Foo ba tlaa goela kwa go Jehofa, mme ga a ketla a ba araba; ee, o tlaa ba subela sefatlhogo sa gagwe mo motlheng oo, ka fa ba dirileng bosula ka teng mo ditirong tsa bone.
5Jehofa o bua jaana ka ga baperofeti ba ba timetsang batho ba me; ba ba lomang ka meno mme ba kue, ba re: “Kagiso,” mme yo o sa tsenyeng sepe mo ganong la bone, ba mmaakanyetse ntwa fela; 6ke gone ka moo go tlaa nnang bosigo mo go lona, gore lo se ka lwa nna le ponatshegelo; go tlaa nna lefifi go lona, gore lo se ka lwa dira boitseanape; letsatsi le tlaa phirimela baperofeti, le motshegare o tlaa nna montsho fela mo godimo ga bone. 7Baboni ba tlaa tlhajwa ke ditlhong, le baitseanape ba tlaa silofala. Ee, ba tlaa ipipa melomo botlhe, gonne go se na karabo epe ya Modimo.
8Mme nna, ruri, ke tletse nonofo ka mowa wa ga Jehofa, le katlholo, le bonatla, go kakanyetsa Jakobe tlolo ya gagwe, le Iseraele boleo jwa gagwe. 9Ke a lo rapela, lo utlwe se, lona ditlhogo tsa ba ntlo ya ga Jakobe, le lona balaodi ba ntlo ya Iseraele, ba lo tlhoang katlholo, lo sokamisa tekatekanyo. 10Ba aga Sione ka madi a batho, le Jerusalema ka tshiamololo. 11Ditlhogo tsa bone di atlhola ka tuelo, baperesiti ba bone ba ruta ka go thapiwa ka tuelo, le baperofeti ba bone ba bua boitseanape ka madi, le fa go ntse jalo ba tle ba ikaege Jehofa ba re: “A Jehofa ga a mo gare ga rona? Ga go bosula bope jo bo tlaa tlang mo go rona.”
12 Ke gone Sione o tlaa lengwang jaaka lotlhagare ka ntlha ya lona, Jerusalema o tlaa nna mekoakoa fela, le thaba ya ntlo e tlaa nna jaaka mafelo a a goletseng godimo a sekgwa.

Currently Selected:

MIKA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy