YouVersion Logo
Search Icon

JONA 4

4
Kgakalo ya ga Jona le kutlwelobotlhoko ya Modimo
1Mme ga itumolola Jona thata, a nna bogale thata. 2 A rapela Jehofa a re: “Ke a go rapela Jehofa, a e ne e se lone lefoko la me, ke sa ntse ke le kwa lefatsheng la gaetsho? Ke gone ka moo ke akofileng ka tshabela kwa Tarešiše; gonne ke ne ke itse fa o le Modimo o o pelonomi, o o tletseng bopelotlhomogi, o le bonya go galefa, o tletse boutlwelobotlhoko, o tle o ikwatlhaele bosula. 3Ke gone Jehofa, ke a go rapela, ka re, o tle o mpolaye, gonne mo go nna go molemo go swa bogolo go go tshela.”
4Mme Jehofa a re: “A o dira sentle fa o nna bogale?”
5Foo Jona a tswela kwa ntle ga motse, a dula a potile motse ntlheng ya botlhabatsatsi, mme a itirela motlaagana teng, a dula fa tlase ga one mo moriting, go tla a bona se se tlaa dirafalelang motse. 6Jehofa Modimo a baakanya menamo ya segwana, a e tlhogisetsa go okama Jona, gore e nne moriti tlhogong ya gagwe, go mo fomodisa mo pitlaganong ya gagwe e e bosula. Jalo Jona a itumela thata ka ga menamo ya segwana. 7Mme ya re bosigo boo sa ka moso, Jehofa a baakanya seboko, sa fetlha menamo ya segwana, mme ya swaba. 8Ga dirala ya re letsasi le tlhatloga, Modimo wa baakanya phefo ya botlhabatsatsi e e molelo; letsatsi la thothomela mo tlhogong ya ga Jona, a ba a idibala, mme a itopela gore a swe, a re: “Go molemo mo go nna go swa bogolo go go tshela.”
9Modimo wa raya Jona wa re: “A o dira sentle go nna bogale ka ga menamo ya segwana?”
Mme a re: “Ke dira sentle go nna bogale go ya fela mo losong.”
10Jehofa a re: “O tlhomogetse menamo ya segwana pelo, o o se kang wa fufula ka ga one, le o o se kang wa o tlhogisa; o o tlhogileng mo bosigong bo le bongwe fela, wa ba wa swa mo bosigong bo le bongwe fela. 11A le nna ga ke a tshwanela go utlwela Ninefe botlhoko, motse o mogolo oo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000, ba ba sa farologanyeng seatla se segolo le sa molema; le bontsi jwa dikgomo?”

Currently Selected:

JONA 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy