YouVersion Logo
Search Icon

ESETHERE 9

9
Bajuta ba fenya baba ba bone
1Jaana e rile ka kgwedi ya 12, e e leng kgwedi ya Atare, ka letsatsi la 13 la yone, taolo ya kgosi le molao wa yone o setse o le gaufi le go dirafadiwa, ka letsatsi le baba ba Bajuta ba solofetseng go ba laola ka lone; le fa go ntse jalo ga fetolwa ga nna ka go sele, ga nna go re Bajuta ba laole bone ba ba ba ilang; 2Bajuta ba phuthegela mo metseng ya bone mo dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe a ga kgosi Ahasueruse, go tla ba tsenya mabogo mo go ba ba ratileng go ba utlwisa botlhoko; mme go ne go se na ope yo o ka ba emang pele; gonne poifo ya bone e wetse mo ditšhabeng tsotlhe. 3Magosana otlhe a dikgaolo tsa mafatshe, le balaodisiwa, le balaodi le ba ba dirang tiro ya kgosi, ba thusa Bajuta, gonne poifo ya ga Moretekai e wetse mo go bone. 4Ka gonne Moretekai o na a le mogolo mo ntlong ya kgosi, e bile tumedi ya gagwe ya tswela kwa dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe; gonne monna yoo Moretekai a golela pele bogolo bogolo.
5Bajuta ba kgemetha baba botlhe ba bone ka go rema ka tšhaka, le ka polao le tshenyo, mme ba dira se ba se ratang mo go bone ba ba ba ilang. 6Mo motseng wa Shušane Bajuta ba bolaya ba senya banna ba le 500, 7le Parešanatatha, Dalefone le Asepatha; 8le Poratha, le Atalie le Aritatha, 9le Paremašeta, le Arisai, le Aritai le Faisatha.
10Bomorwa Hamane morwa Hametatha mmaba wa Bajuta, bomorwawe ba ba some ba ba bolaya; mme mo thopong ba se ka ba isa seatla.
11Ya re ka tsatsi leo palo ya bone ba ba bolailweng mo motseng wa Shušane ya isiwa fa pele ga kgosi. 12Kgosi ya raya Esethere mohumagadi ya re: “Bajuta ba bolaile, ba sentse banna ba le 500 mo motseng wa Shušane, le bomorwa Hamane ba ba some; ba tlaa bo ba dirile jang mo dikgaolong tse dingwe tsa mafatshe a kgosi! Jaana thapelo ya gago ke eng? O tlaa e newa, topo ya gago ke eng gape? E tlaa dirwa.”
13Foo ga bua Esethere a re: “Fa go ka kgatlha kgosi, a go leselediwe Bajuta ba ba mo Shušane ba dire le ka moso ka fa molaong wa gompieno, a bomorwa Hamane ba ba some ba pegwe mo sefateng sa polaelo.”
14Kgosi ya laola gore go dirwe jalo; mme ga tlhongwa molao mo Shušane; ba pega bomorwa Hamane ba ba some. 15Bajuta ba ba mo Shušane ba phuthega le ka tsatsi la 14 la kgwedi ya Atare, ba bolaya banna ba le 300 mo Shušane; mme mo thopong ba se ka ba isa seatla.
16Bajuta ba bangwe ba ba mo dikgaolong tse dingwe tsa mafatshe a kgosi ba phuthega, ba itlhabanela botshelo, mme ba bona boikhutso mo babeng ba bone, mo go bone ba ba ba ilang ba bolaya batho ba le 75 000; mme mo thopong ba se ka ba isa seatla. 17Seo sa dirwa ka letsatsi la 13 la kgwedi ya Atare; mme ka letsatsi la 14 la yone ba ikhutsa, ba le dira letsatsi la mediro le boipelo.
18Bajuta ba ba mo Shušane ba phuthega ka letsatsi la 13 la yone; le ka letsatsi la 14 la yone; mme ka letsatsi la 15 la yone ba ikhutsa, ba le dira letsatsi la mediro le boipelo.
19Ke gone ka moo Bajuta ba metsana ba ba agileng mo metseng e e se nang dithako, ba dira letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare letsatsi la boipelo le boitumelo, le letsatsi le le molemo, le la go isanyetsanya dikabelo.
Moletlo wa boipelo
20Moretekai a kwala dilo tse, mme a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe ba ba mo dikgaolong tsa mafatshe otlhe a ga kgosi Ahusueruse, ba ba gaufi le ba ba kgakala, 21go ba laola gore ba tshegetse letsatsi la 14 la kgwedi ya Atare, le letsatsi la 15 la yone, ka ngwaga le ngwaga; 22ka e le malatsi a Bajuta ba bonyeng boikhutso ka one mo babeng ba bone, e le kgwedi e bohutsana bo ba fetogetseng boipelo ka yone, le selelo sa fetoga letsatsi le le molemo; gore ba a dire malatsi a mediro le boipelo, le a go isanyetsanya dikabelo, le a go abela bahumanegi dineo.
23Bajuta ba itlhomamisa go re ba tlaa dira jaaka ba simolotse, le jaaka Moretekai a ba kwaletse; 24 ka gonne Hamane morwa Hametathe wa Moagage, mmaba wa Bajuta botlhe, o ne a logetse Bajuta maano a go ba senya, a bile a thetse Pure, ke go re bola, go ba suputsa le go ba senya. 25Mme e rile tiro eo e tla fa pele ga kgosi, ya laola ka dikwalo gore maano ao a gagwe a boikepo, a o a logetseng Bajuta, a boele mo tlhogong ya gagwe; le gore ene le bomorwawe ba pegwe mo sefateng sa polaelo. 26Ke gone ka moo ba raya malatsi ao leina ba re, Purime, ka fa leineng la Pure. Ke gone e rileng ka ntlha ya mafoko otlhe a lokwalo loo, le ka ntlha ya se ba se bonyeng ka ga tiro e, le se se neng se tsile mo ga bone, 27Bajuta ba tlhoma molao; go le bone, go le losika lwa bone, go le botlhe ba ba ikopanyang nabo, ba itlhomamisa gore go se ka ga tlhaela. Ba re, ba tlaa tshegetsa malatsi a mabedi ao ka fa go kwalweng ga one, le ka fa lobakeng lwa one lo lo laotsweng ka ngwaga le ngwaga; 28le go re malatsi ao a tlaa gakologelwa a ba a tshegediwa mo kokomaneng nngwe le nngwe mo losikeng longwe le longwe mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe, le mo motseng mongwe le mongwe; le go re malatsi ao, a Purime, a se ka a tlhaela mo Bajuteng, le fa e le kgakologelo ya one go khutla mo losikeng lwa bone.
29Foo Esethere mohumagadi, morwadia Abihaile, le Moretekai wa Mojuta ba kwala ka thata yotlhe go tlhomamisa lokwalo lo, lwa bobedi lwa Purime. 30Mme a romela dikwalo kwa Bajuteng botlhe, kwa dikgaolong tsa mafatshe tse di 127 tsa bogosi jwa ga Ahasueruse, di na le mafoko a kagiso le boammaaruri. 31Go tlhomamisa malatsi ao a Purime, mo metlheng ya one e e laotsweng, jaaka Moretekai wa Mojuta le Esethere mohumagadi wa kgosi ba ba laotse, le jaaka bone ba itlhometse molao le losika lwa bone, mo tirong ya bone ya go ikitsa go ja le ya selelo. 32Taolo ya ga Esethere ya tlhomamisa dilo tseo tsa Purime; mme ga kwalwa mo lokwalong.

Currently Selected:

ESETHERE 9: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy